2025
Baaposetole ba Direla Thomo go Boritane yo Mogolo
Motsheganong 2025


Molaetsa wa Tsala wa Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2025

Baaposetole ba Direla Thomo mo Boritane yo Mogolo

Joseph Smith a supa Baaposetole ba rera mo Boritane yo Mogolo

Morena o ne a bolelela Joseph Smith go romela bangwe ba Baaposetole mo thomong kwa Boritane o Mogolo. Go ne go le thata mo Baaposetoleng go tlogela malwapa a bone, mme Morena o ne a solofetsa go ba segofatsa.

Lelwapa la ga Kimball le lwala mo bolaong

Heber C. Kimball le mosadi wa gagwe, Vilate, ba ne ba na le lelwapa le lennye. Bontsi jwa bone ba ne ba lwala thata.

Brigham Young a laela ba lelwapa lwa gagwe

Brigham Young le ene o ne a lwala, mme lelwapa lwa gagwe le ne le humanegile. Mme mosadi wa gagwe, Mary Ann, a mmolelela, “Tsamaya o ye go direla thomo, mme Morena o tlaa go segofatsa.”

Heber le Brigham ba pagame kara kwa morago

Heber le Brigham ba ne ba nna botoka, mme ba ne ba le bokoa thata. Ba ne ba batla go rera efangele, ke gone ba laela ba malwapa a bone mme ba pagama ka kwa morago ga kara go simolola loeto lwa bone.

Heber le Brigham ba rerela batho efangele mo Boritane o Mogolo

Morago ga loeto le le telele go ralala lewatle, Heber le Brigham ba goroga mo Boritane o Mogolo. Le Baaposetole ba bangwe, ba ne ba ruta batho ba bantsi efangele. Dikete tsa batho di ne tsa kolobediwa mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete. Bontsi jwa bone ba tsamaya go ralala lewatle go ikopanya le Baitshepi mo United States.

Malwapa a ga Heber le Brigham ba ba dumedisa kwa boemela dikepe

Morena a tshegetsa tsholofetso go tlhokomela malwapa a ga Heber le Brigham jaaka ba ne ba Mo direla jaaka baanamisa efangele.

Tsebe ya go Taka

Modimo o Tlhodile sebopiwa sengwe le sengwe mo lefatsheng.

Tiragatso ya go taka ga katse, serurubele, le dithunya mo Tsebe PDF.

Setshwantsho ka Corey Egbert

Ke sebopiwa sefe se o se ratang thata?