Molaetsa wa Friend wa kgwedi le kgwedi, Seetebosigo 2025
Go Agiwa ga Tempele ya Kirtland
Morena o ne a bolelela Joseph Smith gore ke nako ya go aga tempele ko Kirtland, Ohio, ko USA. E tlaa nna lefelo le le faphegileng ko teng Morena A tlaa etelang batho ba Gagwe a bo a dira ditsholofetso le bone.
Baitshephi ba ne ba simolola go aga tempele. E ne ya tsaya madi a mantsi le tiro e ntsi. Mme ba ne ba itumeletse go amogela ditshegofatso tsa Morena.
Fa Baitshephi ba ntse ba bereka mo tempeleng, ba ne ba simolola go felelwa ke madi. Ba ne ba rapela go Modimo go bona thuso.
Mosadi yo o bidiwang Caroline Tippets le ba lelwapa la gagwe ba ne ba bolokile madi a mantsi. Ba ne ba letla kereke go adima madi go thusa go fetsa go aga tempele.
Baitshephi ba ne ba bereka thata. Bangwe ba ne ba kgweetsa dikoloi di tletse matlapa. Bangwe ba direla babereki diaparo le dijo.
Bana ba ne ba sela digalase go di sila gore ba di mote mo leboteng la tempele gore di phatsime mo letsatsing.
Mo nakong tempele e ne e feditswe! Baitshephi ba ne ba itumeletse go tsena mo ntlong ya Morena go ya go tsaya ditshegofatso tse a neng a di ba solofeditse.
Tsebe ya go Taka
Morena o Itse Gore ke Mang ebile wa Nthata.
Setshwantsho ka Corey Egbert
Tshwantsha sefatlhego sa gago mo ovaleng. O itse jang gore Jeso Keresete wa go rata?
© 2025 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya tlhanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Seetebosigo 2025.. Tswana. 19643 763