“Lucy o Bona Boammaaruri,” Friend, Moranang 2025, 26–28.
Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2025
Lucy o Bona Boammaaruri
Letsatsi lengwe, Lucy Morley wa dingwaga di le 15 o ne a thusa moagisanyi wa gagwe e bong Abigail Daniels go loga letsela. Fa ba ntse ba bereka, baanamisa efangele ba le bararo ba ne ba kokota mo lebating. Ba ne ba bolela gore Jeso Keresete o ne a ba romile gore ba ye go abalana molaetsa mongwe.
Banna ba ne ba bolelela Abigail le Lucy gore Jeso o biditse Joseph Smith go nna moporofeti. Gape ba ne ba ba bolelela ka Buka ya ga Momone.
Lucy o ne a gakgamala fa Abigail a galefa. O ne a dira gore baanamisa efangele ba tsamaye.
Lucy o ne a itse gore baanamisa efangele e ne e le batlhanka ba Modimo. O ne a ba bolelela gore ba etele lelwapa la gagwe mo tseleng.
Baanamisa efangele ba ne ba ya kwa legaeng la ga Morley. Batsadi ba ga Lucy ba ne ba laletsa baanamisa efangele gore ba ba rute le ditsala tsa bone.
Mo bosigong joo, go ne ga kolobediwa batho ba le 17. Mo malatsing a le mmalwa a a neng a latela, batho ba bangwe ba le 50 ba ne ba utlwa baanamisa efangele mme ba kolobediwa. Le moagisanyi wa ga Lucy ebong Abigail o ne a fetola mogopolo wa gagwe. Ene le monna wa gagwe, mmogo le Lucy le maloko a lelwapa la gagwe, ba ne ba itshenkela go sala Jeso Keresete morago ka go kolobediwa.
Tsebe ya go Taka
Ka ntlha ya ga Jeso Keresete, ke tlaa tsosiwa.
Setshwantsho ka Corey Egbert
O gakologelwa jang Jeso ka nako ya Paseka?
© 2025 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya tlhanolo: 6/19. Thanolo ya Monthly Friend Message, April 2025[Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2025].. Tswana. 19631 763