“Joseph Smith o Amogela Dipapetlana tsa Gauta,” Friend, Tlhakole 2025, 26–28.
“Ke ka Nna Mosupi wa Gore Buka ya ga Momone e Boammaaruri,” Friend, Tlhakole 2025, 48.
Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Tlhakole 2025
Joseph Smith o Amogela Dipapetlana tsa Gauta
O ka bala polelo e mo go Joseph Smith—Ditso 1:28–60.
Dingwaga di le tharo morago ga Ponatshegelo ya Ntlha, Joseph Smith o ne a ikwatlhaela diphoso dingwe tse a neng a di dirile. O ne a rapela Rara wa Legodimong ka gone.
Fa Joseph a ntse a rapela, lesedi le ne la tlala mo ntlwaneng. O ne a bona moengele a eme mo phefong. Leina la moengele e ne e le Moroni.
Moroni o ne a re go ne go na le buka e e dirilweng ka ditsebe tsa gauta, kgotsa dipapetlana. E ne e fitlhilwe mo thabeng gaufi le legae la ga Joseph. Buka e ne e bua ka batho ba ba neng ba nna kwa Amerika bogologolo tala. Moroni o ne a re Modimo o tlaa thusa Joseph go ranola buka.
Joseph a ya kwa thabeng mme a fitlhela dipapetlana ka fa tlase ga lentswe le le bokete. Moroni o ne a tla mme a re Joseph o ne a ise a siamele go di tsaya.
Fa Joseph a setse a godile, Moroni o ne a kopana le ene mo thabeng mme a mo neela dipapetlana. Moroni o ne a bolelela Joseph go di boloka di babalesegile.
Joseph a simolola go ranolela dipapetlana mo Sekgoeng. O ne a dirisa didirisiwa tse di kgethegileng tse di tswang kwa Modimong go mo thusa. Buka e ne ya gatisiwa ka 1830 e le Buka ya ga Momone. E ruta ka ga Jeso Keresete le efangele ya Gagwe.
Tsebe ya go Taka
Ke Ka Nna Mosupi Gore Buka ya ga Momone e Boammaaruri.
Setshwantsho ka Corey Egbert
O ka thusa ba bangwe jang go ithuta ka Jeso Keresete mo Bukeng ya ga Momone?
© 2025 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya tlhanolo: 6/19. Thanolo ya Monthly Friend Message, February 2025. Tswana. 19641 763