2025
Ponatshegelo ya Ntlha
Sedimonthole 2024


“Ponatshegelo ya Ntlha,” Friend Firikgong 2025, 26–28.

Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi wa Friend Firikgong 2025

Ponatshegelo ya Ntlha

O ka bala polelo e mo go Joseph Smith—Ditso 1:1–20.

Joseph Smith a lebeletse monna a rerela setlhopha

Fa Joseph Smith a le monnye, dikereke tse dintsi di ne di ruta dilo tse di farologaneng ka ga Jeso Keresete. Joseph o ne a sa itse gore o ka tsena kereke efe.

Joseph Smith a bala Baebele

Letsatsi lengwe, o ne a bala Jakoba 1:5 mo Baebeleng. E ne e re fa re tlhoka botlhale, re ka kopa Modimo. Joseph o ne a tsaya tshwetso ya go dira jalo.

Joseph Smith a tsamaya mo sekgweng

Ka letsatsi lengwe le lentle la dikgakologo, Joseph o ne a ya kwa sekgweng go rapela Rara o o kwa Legodimong.

Joseph Smith a rapela

Joseph o ne a khubama mme a simolola go rapela. Mme jalo a utlwa lefifi le mo dikologile. Joseph o ne a tshogile. O ne a kopa Modimo gore a mo thuse.

Rara o o kwa Legodimong le Jeso Keresete ba iponatsa go Joseph Smith

Ka tshoganyetso, Joseph o ne a bona lesedi le le phatsimang le fologelela go tswa legodimong. O ne a bona Rara o o kwa Legodimong le Jeso Keresete ba eme mo phefong. Rara o o kwa Legodimong o ne a bua leina la ga Joseph. O ne a supa kwa go Jeso Keresete a bo a re, “Yo ke Morwaake yo o Rategang. Mo Utlwe!

Jeso Keresete

Jeso o boleletse Joseph gore a seka a tsena kereke epe.

Joseph Smith a khubame e bile a lebile kwa godimo

Joseph o tlaa thusa go buseletsa efangele ka botlalo mo lefatsheng.

Joseph Smith a nyenya a tswa mo sekgweng

Joseph o ne a sa tlhole a etsaetsega. O ne a tletse ka boitumelo! O ne a itse gore Modimo o a mo rata. Batho ba bangwe ba ne ba sa dumele gore o ne a bone Rara o o kwa Legodimong le Jeso Keresete, mme o ne a itse gore ke nnete.

Tsebe ya go Taka

Rara o o kwa Legodimong O a Utlwa e bile O Araba Dithapelo Tsame

Tsebe ya go taka ya Ponatshegelo ya Ntlha

Setshwantsho ka Corey Egbert

Rara o o kwa Legodimong o arabile thapelo ya ga Joseph Smith. Le wena o tlaa araba thapelo ya gago!